KAELO YA KA BONAKO YA GO NNA LELOKO LA GEMS
Buisa ka kelotlhoko kaelo ya go tsenya tirisong, gonne e na le tshedimosetso e e botlhokwa e e tla go thusang mo go tlatseng foromo ya kopo ka tshwanelo.
T latsa foromo ya kopo mo tsebeng e e kwa morago mme o netefatse gore o akareditse ditokomanetse di maleba gammogo le tshaeno ya gago fa go tlhokegang.
Romela foromo le ditokomane tsa tlaleletso go GEMS ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
Ka fekese: 0861 00 4367
Ka go etela ditikwatikwe tsa thuso tsa dikgaolo: Leba kaelo ya go tsenya tirisong go bona dintlha go ya pele.
Fa e le gore kopo ya gago e atlegile, GEMS e tla go posetsa pakana ya kamogelo mo sebakeng sa malatsi a le 7 a go amogela kopo ya gago.
Kopo ya gago e tla diegisiwa fa o sa tlamele GEMS ka ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang.
Fa e le gore kopo ya gago e ka se lejwe, GEMS e tla ikgolaganya le wena mo sebakeng sa malatsi a le 5 a go amogela kopo ya gago.
Tsweetswee ikgologanye le tikwatikwe ya megala ya rona mo go 0860 00 4367 kgotsa ka e-mail mo go enquiries@gems.gov.za fa e le gore o tlhoka thuso go ya pele ka ga go tlatsa foromo ya kopo ya gago.
KOPO YA BOTOKOLOLO
TSWEETSWEE, LEBA KAELO YA KOPO GORE E GO THUSE MABAPI LE GO TLATSA FOROMO E. O SE KA WA BUSA KAELO E LE FOROMO YA KOPO YA GAGO E E TLADITSWENG.
TSWEETSWEE TLATSA DIKAROLO TSOTLHE TSE DI MALEBA KA KELOTLHOKO E BILE LE KA BOTLALO.
Netefatsa gore o tlamela ka ditokomane tsa tlaleletso tsotlhe. Romela foromo ya kopo e e tladitsweng go GEMS ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
Ka fekese go 0861 00 4367, kgotsa
Ka go etela ditikwatikwe tsa thuso tsa dikgaolo, kgotsa
KAROLO YA A: DINTLHA TSA LELOKO
Mothapi (mo seliping sa mogolo)
Sefane
Leina la ntlha (ka botlalo)
Ditlhakaina Setlhogo (Rre, Mme, kgotsa se sengwe fela)
Aterese ya poso
Aterese ya bonno
Khoutu
Khoutu
Mogala (Gae) ( ) (Tiro) ( )
Nomoro ya selula nomoro ya Fekese ( )
TIRISO YA SEMMUSO FELA
Tsweetswee leba Karolo ya B ya kaelo ya go tsenya tirisong gore o tle o kgone go netefatsa gore batho ba o eletsang go ba tlhopha jaaka batlhokomelwa ba gago ba a akarediwa jaaka go tshwanetse. Re ka se tsweletse foromo ya gago fa dintlha tsa lekwaloitshupo la gago di sa tlamelwa. Ka jalo, o pateletsega go tlatsa karolo e ka botlalo.
Sefane Leina la ntlha ka botlalo Bong Letlha la Botsalo Nomoro ya Lekwaloitshupo kgotsa Paseporoto Naga e e tlhagisitseng Kamano Lotseno la motheo (fa go le maleba)
KAROLO YA C: TLHOPHO YA MOFUTA
Tsweetswee tlhopha MOFUTA O LE MONGWE go tswa mo lenaneng le le fa tlase e bile o tshwaye bokoswana e e maleba ka X.
Go busediwa tšhelete ya ditleleimi yotlhe go dirwa ka kelo ya Sekema gammogo le go tsamaelana le melawana ya Sekema.
KAROLO YA D: LETLHA LA GO NNA LELEKO
Tsweetswee bontsha letlha le o simolotseng go direla mothapi wa gago wa ga jaana: Tsweetswee bontsha letlha le o batlang go simolola go nna leloko la GEMS:
KAROLO YA E: KGAOLO YA LOTSENO
Badirakopo ba ba thapilweng: Tsweetswee bontsha mogolo wa gago wa kgwedi wa motheo. Fa e le gore o mo legatong la bogareng kgotsa la kwa bogodimong jwa bolaodi, tsweetswee bontsha mogolo wa gago otlhe wa kgwedi. (Akaretsa selipi sa mogolo sa sešwengšeng kgotsa lekwalo la go rebolelwa tiro fa e le gore o mothapiwa yo montšhwa.)
Lotseno la Kgwedi R
Fa karabo e le ee, a o leloko-legolo kgotsa motlhokomelwa?
Fa e le gore o leloko/motlhokomelwa wa sekema se sengwe sa kalafi, tsweetswee akaretsa setifikeiti sa gago sa botokololo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele se se netefatsang letlha la go khutlisa botokololo (dikarata tsa botokololo ga di a lekana). O tshwanetse go netefatsa gore botokololo jwa gago mo sekemeng sa kalafi sa ga jaana, bo phimotswe pele o ka bona dithuso tsa GEMS.
Leina la sekema sa kalafi sa pele
Nomoro ya leloko
KAROLO YA G: MOKGWA WA TUELO
Tšhelete ya kgwedi le kgwedi e e duelwang ke bathapiwa e gogiwa ka tlhamalalo go tswa mo megolong ya bona fa go leng maleba.
Go maloko a bapenšenara, tsweetswee tlhopha mokgwa wa tuelo o le mongwe go tswa mo lenaneng le le fa tlase:
Ke tla bo ke duela tšhelete ya kgwedi le kgwedi e e duelwang ka tsela e e latelang: n Debit order n Tšhelete e e seatleng
Fa e le gore o tlhopha go duela ka debit order o tlhoka go tlatsa Dintlha tsa go banka tsa leloko fa tlase Karolo ya H.
Fa e le gore o tlhopha go duela ka tšhelete e e seatleng, tsweetswee dirisa dintlha tse di latelang tsa go banka fa o tsenya tšhelete e e tshwanetseng:
KAROLO YA H: DINTLHA TSA GO BANKA TSA LELOKO
Dintlha tsa akhaonto ya banka: Di tlhokega mo mabakeng a fa leloko le tshwanetse go busediwa tšhelete ka tlhamalalo, gammogo le fa ke tshwanetse go duela tšhelete mo Sekemeng. Re ka se tsweletse tšhelete e o tshwanetseng go e busediwa fa re sena dintlha tsa gago tsa banka mo direkotong tsa rona.
Nomoro ya akhaonto ya banka Leina la motshola akhaonto Leina la banka Leina la lekala Nomoro ya lekala Mofuta wa akhaonto nCurrent n Transmission
Tshaeno e e letleletsweng Leina le sefane ka botlalo
KAROLO YA I: THEBOLELO TETLA
Jaaka go letlelesega, motlhokomelwa/batlhokomelwa ba me le nna re rebola tetla go ngaka e bile/kgotsa modiri wa kwa bookelong yo nna/batlhokomelwa ba me re leng mo tlhokomelong ya gagwe kgotsa ya ga motlamedi wa tsa pholo kgotsa motho ofe kana ofe yo o tshotseng tshedimosetso efe kana efe mabapi le pholo ya me kgotsa tshedimosetso efe kana efe ya batlhokomelwa ba me go e rebola:
T shedimosetso efe kana efe e GEMS, baemedi ba yona e bile/kgotsa batsereganyi ba ba thapilweng ka konteraka (contracted third parties) ba e tlhokang go duelela tleleimi efe kana efe e e rometsweng ke nna kgotsa motlhokomelwa/batlhokomelwa ba me go GEMS e bile/kgotsa go baemedi ba yona;
Molaodi wa dikgetse (case manager) wa GEMS e bile/kgotsa wa baemedi ba yona yo o nang le tshedimosetso efe kana efe e molaodi wa dikgetse a e tlhokang go kgona go laola dikgetse kgotsa tsa me kgotsa tsa motlhokomelwa/batlhokomelwa ba me;
Bolaodi jwa tlamelo ya pholo jo bo nang le tshedimosetso efe kana efe, e le ka seemo sa go sa tlhagise gore motho ke mang, e e tlhokegang mo mererong ya tsamaiso le dipalopalo, fa fela tshedimosetso e e jalo e tla tsholwa e le sephiri ka dinako tsotlhe.
Go botlhokwa go naya GEMS e bile/kgotsa baemedi ba yona tetla ya gago go buisana le ngaka/dingaka tsa gago, bookelo kgotsa motlamedi wa tsa pholo ofe kana ofe go netefatsa gore o amogela tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo.
KAROLO YA J: MAIKANO
Ke solofetsa gore:
Diteng tsa foromo e ke nnete, di nepagetse e bile di feletse. Fa go ka nna le tshedimosetso e e sa tlhagisiwang kgotsa le go sa bue boammaruri ka tsela nngwe, ke tlhaloganya gore botokololo jwa me bo ka khutlisiwa e bile nka lopiwa go busetsa Sekema tšhelete, ya boleng jo bo ka bong bo sa ntshiwa mo boemong jwa me, seemo se se ka fetogang fa morago ga ditsamaiso tsa go ipelaetsa fela ka ntlha ya go sotlaka ditshwanelo kgotsa ditlotla (privileges) tsa Sekem.
Ke dirile tlhopho ya me ya mofuta e bile ke ikgotsofaditse ka ga sethalo sa ditshwanelo se se tlhagelelang mo mofuteng o.
Ke dumela go ithuta go itse melawana ya Sekema.
Baamogela-ditshwanelo ba me, ntle le mogatsa-ke/molekane wa me, ba tlhokometswe ke nna ka botlalo kgotsa e seng ka botlalo mo e leng gore ba tlamelwa ke nna e seng ka botlalo go se amogele lotseno la ngwaga le le fetang bogodimo jwa tšhelete ya penšene ya puso kgotsa ga ba a thapiwa nako e e tletseng ka letlha la go saena foromo e.
Ke na le kitso ya gore GEMS e ka tsenya sebaka-kemo sa kakaretso e bile/kgotsa se se nang le mabaka a a tsepameng, jaaka go tlametswe mo Molaong wa Dikema tsa Kalafi (Wa bo 131 wa 1998).
Ke tlhaloganya gore dintlha tsa me tsa bosebele gammogo le tshedimosetso ya me ya tsa pholo (e e amogetsweng go tswa go batlameding ba tsa kalafi go na le thebolelelo-tetla e e tlhamaletseng) di tla tsholwa e le sephiri.
Ke na le kitso ya gore tshedimosetso ya bosebele ya pholo gammogo le ya bosebele ya me le ya batlhokomelwa ba me di ka dirisetswa dipatlisiso, datha ya dipalopalo, mabaka a tsa tlhokomelo le go bega, e bile go fapoga gofe kana gofe mo dintlheng tse go tla tsewa e le go tlola molawana wa bosephiri.
Ke tlhaloganya gore fa go ka diragala gore GEMS e eletse go dirisa tshedimosetso ya bosephiri ya me kgotsa ya batlhokomelwa ba me ka ntlha ya mabaka a sele go na le a a tlhalositsweng mo maikanong a, GEMS e tshwanetse go lopa thebolelo-tetla e nngwe gape go tswa mo go nna le mo batlhokomelweng ba me.
Ke tlhaloganya gore tshedimosetso ya me ya bosebele le e e mabapi le tsa pholo ya me, ga e kitla e dirisetswa mabaka a a amanang le kgwebo kgotsa ga e kitla e rekisiwa go bona moputso.
Go tswelela mo tsebeng e e ka kwa morago
KAROLO YA J: MAIKANO - E A TSWELELA
Ke tlhaloganya gore GEMS e reboletse batho bangwe mo teng ga setlamo gammogo le batsereganyi ba ba thapilweng ka konteraka phitlhelelo go tshedimosetso ya maloko ya bosebele le e e mabapi le tsa pholo.
Ke tlhaloganya gore GEMS gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tla dirisa tshedimosetso ya tsa kalafi/pholo/phekolo/tsamaiso e e tlametsweng go dira merero e e latelang - go tsweletsa foromo ya kopo ya botokololo, go duelela go busa tšhelete ya ditleleimi, go swetsa ka ga ditshwanelo tse di tshwanetseng go amogelwa ke leloko gammogo le tiragatso ya bolaodi jwa kotsi (risk management practice).
Ke tlhaloganya gore GEMS e tsene mo ditumalanong tsa bosephiri le batsereganyi botlhe ba ba thapilweng ka konteraka, ba ba nang le phitlhelelo go tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ka ntlha ya mabaka a phetiso le taolo ya datha, tsamaiso ya sekema gammogo le dithulaganyo tsa tlhokomelo e e laolwang.
Ke tlhaloganya gore badiri botlhe kwa GEMS gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tlamilwe ke ditumalano tsa ka fa teng tsa bosephiri.
Ke tlhaloganya gore GEMS e tla netefatsa gore dikgato tsa tshireletso ya datha e e lekaneng di teng.
Ke tlhaloganya gore fa go ka nna le go sa ikobele bosephiri, GEMS e tla tsaya maikarabelo e bile go sa ikobele go, go tla laolwa go ya ka ditsamaiso tsa GEMS tsa ka fa teng.
Ke ipofa gore nna le motlhokomelwa/batlhokomelwa ba me re tla tshegetsa melawana le ditsamaiso tsa
Fano ke rebolela GEMS tetla gotlhelele go diragatsa kgogo ya tuelo ya kgwedi le kgwedi fela ka gangwe go simolola ka letlha le ke nnang leloko ka lona.
Nna, jaaka leloko la GEMS, ke tsaya maikarabelo a dituelo tsa kgwedi le kgwedi go GEMS.
Ke netefatsa gore ke a itse gore GEMS e ka tsenya tirisong ditiro tsa bolaodi jwa sekoloto, jaaka go tlametswe mo melawaneng ya Sekema, kgatlhanong le nna mo mabakeng a fa ke tlodisitse go duela madi a kabo kgotsa dituelo tse dingwe tse di tshwanetseng go dirwa go GEMS.
Nna kgotsa mongwe wa batlhokomelwa ba me ga re baamogela-ditshwanelo ba sekema se sengwe sa kalafi se se kwadisitsweng.
Ke tla itsise Sekema ka ga diphetego dife kana dife ka ga pholo kgotsa seemo sa bosebele sa motlhokomelwa wa me, jaaka melawana ya Sekema e tlhalosa, mo teng ga malatsi a le 30 a phetogo eo.
Ke tla itsise GEMS bonnye diura tse 48 pele ga kamogelo ya kwa bookelong ya maemo a e seng a tshoganyetso. Ke amogela gore go sa dire jalo, go ka lebisa kwa go reng ke duela bontlha-bongwe jwa tuelo.
Ke amogela gore Sekema/baemedi ba sona ba tla duelela ditleleimi tse e tsayang gore di siame e bile di tsamaelana le melawana ya Sekema.
Ka dinako tsotlhe melawana e tla tswelela go nna mo tirisong e bile ke amogela gore makwalo, makwalo adikgang ga a tsene mo legatong la melawana ya sekema.
Ke dumela gore dipuisano tsotlhe magareng ga me le Sekema kgotsa le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka di ka gatisiwa.
Tshaeno ya Leloko-legolo
KAROLO YA K: MAIKANO KA GEMS
Sekema se solofetsa gore:
Dintlha tsa bosebele le tshedimosetso ya tsa kalafi tsa leloko (tse di bonweng go tswa mo batlameding ba tsa kalafi morago ga gore leloko le rebole tetla) di tla tsholwa e le sephiri.
Tshedimosetso ya leloko (tshedimosetso ya bosebele le ya pholo) ga e kitla e dirisetswa mabaka a a amanang le kgwebo kgotsa ga e kitla e rekisiwa go bona moputso.
Go tswelela mo tsebeng e e ka kwa morago
KAROLO YA K: MAIKANO KA GEMS - E A TSWELELA
Dikgato tsa tshireletso ya datha di teng.
Phitlhelelo e rebolelwa batho ba ba ka fa teng ga setlamo gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka, tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ya bosebele le pholo.
Sekema le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka ba tla dirisa tshedimosetso ya tsa kalafi/pholo/ phekolo/tsamaiso e e tlametsweng go dira merero e e latelang: go tsweletsa foromo ya kopo ya botokololo, go duelela go busa tšhelete ya ditleleimi, go swetsa ka ga ditshwanelo tse di tshwanetseng go amogelwa ke leloko gammogo le tiragatso ya bolaodi wa kotsi (risk management practice).
Badiri botlhe ka fa teng ga Sekema gammogo le batsereganyi ba yona ba ba thapilweng ka konteraka, ba tlamilwe ke ditumalano tsa ka fa teng tsa bosephiri.
Sekema se netefaditse gore go tsenwe mo ditumalanong tsa bosephiri le batsereganyi ba yona botlhe ba ba thapilweng ka konteraka, ba ba nang le phitlhelelo go tshedimosetso ya baamogela-ditshwanelo ka ntlha ya mabaka a phetiso le taolo ya datha, tsamaiso ya sekema gammogo le dithulaganyo tsa tlhokomelo e e laolwang.
Mo mabakeng a go tlolwa ga molawana wa bosephiri, sekema se tla tsaya maikarabelo a go sa ikobele go, e bile se se tla laolwa go ya ka ditsamaiso tsa sekema tsa ka fa teng.
KAELO YA GO TLATSA LE GO ROMELA FOROMO YA KOPO YA GAGO
Tsweetswee o se ka wa busa kaelo e le foromo ya kopo ya gago e e tladitsweng.
Tsweetswee netefatsa gore o tlamela ka ditokomane tsa tlaleletso tsa leloko-legolo tse di latelang:
Khopi ya Lekwaloitshupo la leloko-legolo.
Foromo ya M2 e e tshwanetseng go romelwa le foromo ya kopo fa o tlhoka go fetola dintlha tsa gago tsa sekema sa kalafi gammogo le go tswelela go amogela ketleetso ya gago e o ntseng o e amogela.
Diforomo tsa Z583 fa e le gore o rola tiro ka ntlha ya bogodi e bile o tlhoka go dira kopo ya go tswelela pele ka botokololo kgotsa fa e le gore o motlhokomelwa yo o tlhokang go tswelela pele ka botokololo morago ga loso lwa Leloko-legolo.
Lekwalo le le netefatsang go amogela ketleetso go tswa kwa Botsholamatlotlong jwa Bosetšhaba fa go leng maleba.
Setifikeiti sa botokololo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele se se nang le letlha la go khutla.
Tshaeno ya gago fa go tlhokegang (Dikarolo tsa H, I le J).
KAROLO YA A: DINTLHA TSA LELOKO
O a patelesega go tlatsa tshedimosetso yotlhe mo Karolong ya A, fa go leng maleba.
Nomoro ya gago ya PERSAL e ka bonwa mo seliping sa mogolo wa gago.Bapenšenara: Tsweetswee tlamela ka Nomoro ya gago ya Penšene e e tlhagelelang mo makwalong a gagokgotsa mo Setifikeiting sa Penšene go tswa kwa go Botsholamatlotlo jwa Bosetšhaba.
Mothapi/Setlamo
Tsweetswee bontsha leina le khoutu ya setlamo sa mothapi wa gago wa ga jaana. Khoutu ya setlamo sa gago e ka bonwa mo seliping sa mogolo wa gago, fa e le gore o modiredi-puso.
KAROLO YA B: DINTLHA TSA BATLHOKOMELWA
Tsweetswee tlatsa dintlha tsa batlhokomelwa ba gago mo Karolong ya B ya Foromo ya kopo. Ke pateletsa gore o tlatse dintlha tsa makwaloitshupo a batlhokomelwa ba gago mo karolong e. Re ka se kgone go tsweletsa kopo ya gago fa tshedimosetso e, e sa tlamelwa.
Ga go batlhokomelwa bape ntle le ba ba tlhagisitsweng fa tlase ba ba tla akarediwang mo botokololong. Ditokomane tse di latelang di tshwanetse go romelwa le kopo fa e le gore leloko-legolo le eletsa go kwadisa baamogela-ditshwanelo jaaka batlhokomelwa:
Mogatsa
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo.
Mo mabakeng a lenyalo la setso, afitafiti go tswa go leloko e e netefatsang tlamego go mogatsa
Setifikeiti sa lenyalo se a batlega fa e le gore le nyalane mme sefane se farologane le sa Leloko-legolo
TLHALOSO YA MOTLHOKOMELWA DITOKOMANE TSE DI TLHOKEGANG
Mogatsa-wa-pele
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo, gammogo le
Khopi ya tlamego ya semolao (legal obligation) go tlamela ka tshegetso ya kalafi go ya ka katlholo ya tlhalo kgotsa taelo ya kgotlatshekelo fa e le gore di teng
Molekane
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo, gammogo le
Bana (ba madi, ba ba filweng leruri ka fa molaong, ba ba tlang ka nyalo kgotsa ba ba tlhokomelwang nakwana ka fa molaong), ba sefane se se tshwanang le sa Leloko-legolo, ba dingwaga tse di kwa tlase ga tse 21
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo Ela tlhoko: Fa e le gore sefane sa ngwana se farologane le sa Leloko-legolo, go tlhokega afitafiti e e netefatsang tlamego go ngwana gammogo le go tlhalosa lebaka la go farologana ga difane (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go tlatswa ke Leloko-legolo). Ela tlhoko: Mogatsa o tshwanetse a bo a kwadisitswe go kgona go kwadisa ngwana yo o tlang ka nyalo.
Bana (ba madi, ba ba filweng leruri ka fa molaong, ba ba tlang ka nyalo kgotsa ba ba tlhokomelwang nakwana ka fa molaong), ba dingwaga tse di kwa godimo ga tse 21
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo, gammogo le
Fa e le gore ngwana ke moithuti Bopaki jwa go tsena sekolo mo nakong e e tletseng kwa setheong sa thuto e kgolo se se amogelesegang gammogo le
Afitafiti go tswa go Leloko-legolo e e netefatsang go tlamelwa ka matlole
Fa e le gore ngwana o a tlamelwa gotlhelele ka ntlha ya bogole jwa tlhaloganyo kgotsa mmele Bopaki jwa bogole go tswa kwa ngakeng ya ditshipi (Pegelo ya tlhatlhobo e e tla tladiwang ke Ngaka ya Ditshipi) gammogo le
Afitafiti go tswa go leloko e e netefatsang go tlamelwa ka matlole gammogo le gore ngwana ga a nne kwa setheong sa mmuso
Fa e le gore ngwana ga se moithuti kgotsa ga a na bogole Afitafiti go tswa go Leloko-legolo e e netefatsang go tlamelwa ka matlole Ela tlhoko: Mogatsa o tshwanetse a bo a kwadisitswe go kgona go kwadisa ngwana yo o tlang ka nyalo.
Motlhokomelwa wa sefane se se farologaneng
Fa e le gore sefane sa motlhokomelwa se farologane le sa Leloko-legolo, go tlhokega afitafiti e e netefatsang tlamego ya Leloko-legolo go motlhokomelwa gammogo le go tlhalosa lebaka la go farologana ga difane (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go tlatswa ke Leloko-legolo)
Bana-ka-nyalo
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo
Afitafiti go tswa go Leloko-legolo e e netefatsang go tlamelwa ka matlole ga baamogeladitshwanelo ke leloko Ela tlhoko: Ngwana wa leloko kgotsa leloko kgotsa mogatsa wa leloko o tshwanetse a bo a kwadisitswe go kgona go kwadisa ngwana-ka-nyalo.
Batsadi, batsadi-ka-nyalo, Borremogolo/ bommemogolo kgotsa Borremogolo/ bommemogolo-ka-nyalo
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo, gammogo le
Afitafiti go tswa go Leloko-legolo e e netefatsang go tlamelwa ka matlole ga baamogeladitshwanelo ke leloko Ela tlhoko: Batsadi-ka-nyalo le Borremogolo/bommemogolo-ka-nyalo ba ka kwadisiwa fela fa e le gore mogatsa le ene o kwadisitswe jaaka moamogeladitshwanelo.
Bana-ba-bana, dikokomane, jalojalo
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo, gammogo le
Bopaki ba thuso ya tlamelo ya ngwana e e amogelwang ke leloko kgotsa mogatsa, kgotsa
Afitafiti ya maikano e e netefatsang go tlamelwa ka matlole ga ngwana-wa-ngwana ke Leloko-legolo. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go tlatswa ke Leloko-legolo gammogo le motsadi wa madi, fa go leng maleba) Ela tlhoko: Fa e le gore motsadi wa ngwana le ene o kwadisitswe jaaka motlhokomelwa, afitafiti e tlhokega fela go tswa mo Leloko-legolong mo mabakeng a ngwana-wa-ngwana kgotsa kokomane fela.
Bonkgonne/bokgaitsadi, bonkgonne/ bokgaitsadi ba ba aroganang motsadi a le mongwe (half sibilings), bonkgonne/bokgaitsadi ba ba tlang ka nyalo le bonkgonne/bokgaitsadi-ka-nyalo
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo, gammogo le
Afitafiti ya maikano e e netefatsang go tlamelwa ka matlole ga bonkgonne/bokgaitsadi ke Leloko-legolo. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go tlatswa ke Leloko-legolo) Ela tlhoko: Nkgonne/kgaitsadi wa mogatsa wa Leloko-legolo a ka nna a kwadisiwa jaaka motlhokomelwa. Ela tlhoko: Mogatsa o tshwanetse a bo a kwadisitswe go kgona go kwadisa bonkgonne/bokgaitsadi ba gagwe.
Bana ba bonkgonne/bokgaitsadi
Karolo ya motlhokomelwa e e tladitsweng mo foromong ya kopo, gammogo le
Afitafiti ya maikano e e netefatsang go tlamelwa ka matlole ga bana ba bonkgonne/bokgaitsadi ke Leloko-legolo. (Afitafiti ya maikano e tshwanetse go tlatswa ke Leloko-legolo gammogo le bonkgonne/ bokgaitsadi, fa go leng maleba) Ela tlhoko: Bana ba bonkgonne/bokgaitsadi ba Leloko-legolo kgotsa mogatsa wa Leloko-legolo ba ka kwadisiwa jaaka batlhokomelwa. Ela tlhoko: Fa e le gore motsadi wa ngwana le ene o kwadisitswe jaaka motlhokomelwa, afitafiti e tlhokega fela go tswa mo Leloko-legolong mo mabakeng a ngwana wa nkgonne/kgaitsadi fela.
Ela tlhoko
Makwaloitshupo kgotsa ditifikeiti tsa botsalo di a batlega go kwadisa batlhokomelwa botlhe.
Ditlhwatlhwa tsa motlhokomelwa wa mogolo di tla duedisiwa batlhokomelwa botlhe ba ba dingwaga tse di kwagodimo ga tse 21, ntle le-Batlhokomelwa ba ba repetlaneng dithwe (ditlhwatlhwa tsa bana di tla duedisiwa);-Bana ba ba sa ntseng ba tsena sekolo (ditlhwatlhwa tsa bana di tla duedisiwa go fitlha fa ba le dingwaga tse 27);
Tsweetswee, ela tlhoko gore ngwaga le ngwaga, modirelwa kgotsa badirelwa ba bagolo ba ka nna ba sekasekiwa sešwa gore a ba santse ba ka rebolelwa tirelo. Ngwaga le ngwaga, maloko a tshwanetse go tlamela ka bopaki jwa gore ba santse ba tlamela badirelwa botlhe ba ba dingwaga tse di fetang tse 21, ntle le ba ba repetlaneng dithwe.
Diafitafiti tse di tlhalositsweng fa godimo di tshwanetse go tlatswa gammogo le dipotso tsa kalafi tsabatlhokomelwa ba ba repetlaneng dithwe e bile di ka bonwa mo go website ya GEMS mo gowww.gems.gov.za kgotsa e ka bonwa ka go leletsa tikwatikwe ya megala mo go 0860 00 4367.
Se o tlhokang go se dira fa o tshwanetse go tlamela GEMS ka ditokomane tse di latelang: Diafitafiti
Fa e le gore o tshwanetse go romela afitafiti, o tlhoka go ya kwa seteišeneng sa sepodisi se se gaufi le wena kgotsa kwa mothong yo o reboletsweng tetla ya go nna mokhomišenara wa maikano go tlhomamisa gore se o se bolelelang GEMS ke nnete e bile se nepagetse.
Pegelo ya kalafi
Isa diforomo tsa "Pegelo ya tshekatsheko ka ngaka (Bogole)" kwa ngakeng e e maleba mme o e kope gore a e tlatse. Ketelo e e tla duelwa go tswa mo thusong ya go bona dingaka ga maloko a a kwadisitsweng. Maloko a a sa kwadisiwang a tshwanetse go ituelela ketelo e go tswa mo dikgetseng tsa ona.
KAROLO YA C: TLHOPHO YA THUSO
Tsweetswee dira tlhopho ya gago ka tshwanelo, gonne o ka se letlwe go fetola tlhopho ya gago mo tsamaong ya ngwaga ntle le tumelelo ya Boto ya Baemedi-ba-Matlole.
Dithuso tsa gago tsa kwa ntle ga bookelo gammogo le dithuso tse dingwe di tla fokodiwa go tsamaelana le gore o ikwadisitse leng fa e le gore letlha la ikwadiso ga se 1 Ferikgong. Se se kaya gore ditekanyetso tsa dithuso tsa gago di tla balelwa go tsamaelana le sebaka sa botokololo se se setseng mo ngwageng fa o sale o ikwadisa.
O tla kgona go fetola tlhopho ya gago kwa bofelong jwa ngwaga mongwe le mongwe go simolola ka letsatsi la ntlha la ngwaga o o latelang.
KAROLO YA D: LETLHA LA GO IKWADISA
O tlhoka go bontsha letlha le o eletsang go ikwadisa mo go GEMS mo Karolong ya D ya Foromo ya kopo.
Tsweetswee ela tlhoko tse di latelang:
Letlha la go amogelwa ga gago le tshwanetse go nna ka letsatsi la ntlha la kgwedi.
Fa go kgonegang, netefatsa gore letlha la go amogelwa ga gago kwa GEMS go latela ka tlhamalalo go khutlisiwa ga botokololo jwa gago kwa sekemeng sa kalafi sa pele, gonne kgaogo mo botokololong e ka ama ketleetso e o e amogelang kwa mothaping wa gago.
Fa e le gore ga go a tsenngwa letlha lepe, letlha la gago la kwadiso le tla swetswa go nna letsatsi la ntlha lakgwedi e e latelang gore go se nne le dikoloto dipe.
Fa e le gore letlha la go ikwadisa le o le tlhophileng le baka dikoloto tsa dituelo, tuelo e tla gogiwa mo mogolong wa gago kgotsa mo akhaontong ya gago ya banka (fa go leng maleba).
Fa go tla mo bathapiweng ba bantšhwa, letlha la gago la kwadiso le ka se nne kwa pele ga letlha la go thapiwa ga gago.
KAROLO YA E: KGAOLO YA LOTSENO
Badirakopo ba bapenšenara: Tsweetswee tlatsa foromo ya M2 le foromo ya Z583 go netefatsa go bona ketleetso go tswa kwa Lefapheng la Matlotlo. Diforomo tse di ka bonwa mo go website ya GEMS e bong www.gems.gov.za kgotsa ka go leletsa Tikwatikwe ya megala mo go 0860 00 4367. Fa e le gore o na le lekwalo la Botsholamatlotlo jwa Bosetšhaba le le netefatsang ketleetso ya gago, tsweetswee le kgomaretse mo foromong ya kopo, gonne le tla dira gore tsweletso ya kwadiso e nne bobebe le go feta.
Badirakopo ba ba thapilweng: Tsweetswee bontsha mogolo wa gago wa kgwedi wa motheo. Fa e le gore o mo legatong la bogareng kgotsa la kwa bogodimong jwa bolaodi, tsweetswee bontsha mogolo wa gago otlhe wa kgwedi. (Akaretsa selipi sa mogolo sa sešwengšeng kgotsa lekwalo la go rebolelwa tiro fa e le gore o mothapiwa yo montšhwa.)
KAROLO YA F: BOTOKOLOLO JWA PELE JWA SEKEMA SA KALAFI
Tsweetswee kgomaretsa setifikeiti sa botokololo se se nang le letlha la bofelo go tswa kwa sekemeng sa kalafi sa pele.
Tsweetswee ela tlhoko tse di latelang:
Peomolao e swetsa gore wena kgotsa batlhokomelwa ba gago le ka se kwadisiwe mo dikemeng tsa kalafi tse pedi ka nako e le nngwe.
Se o tlhokang go se dira fa e le gore o kile wa nna leleko la sekema sa kalafi se sengwe pele o ikwadisa mo go GEMS:
Tsweetswee ikgolaganye le sekema sa gago sa kalafi sa pele mme o ba kope go go tlamela ka setifikeiti sa botokololo se se nang le letlha la bofelo jaaka bopaki jwa botokololo.
Tsweetswee ela tlhoko gore fa e le gore setifikeiti sa gago sa botokololo ga se bontshe letlha la bofelo, gare kgone go ka se dirisa. Gakologelwa go tlatsa le go romela lekwalo la go khutlisa botokololo jwa gago kwasekemeng sa kalafi sa pele, fa e le gore ga o ise o dire jalo.
Fa e le gore ga o kgone go bona setifikeiti sa botokololo, re tla amogela go lekwalo la go khutlisiwa ga botokololo jwa gago kwa sekemeng sa gago sa pele sa kalafi jaaka bopaki jwa go khutlisa, fela e tshwanetse go nna lekwalo le le kwadilweng mo go letterhead ya sekema se.
Fa e le gore o itemogela bothata mo go khutliseng go gogelwa tšhelete go tswa mo mogolong wa gago ka ntlha ya botokololo kwa sekemeng sa gago sa pele sa kalafi, tsweetswee kopa modiri wa kwa lefapheng la tsa badiri (HR) go emisa seno, go sa nneng jalo GEMS e ka se kgone go tsenya tirisong go gogelwa tšhelete go tswa mo mogolong wa gago.
DIKAROLO TSA G LE H
Ke pateletsa go tlatsa dikarolo tse ka botlalo, gonne go ka se samaganwe le kopo ya gago fa dintlha tsa go banka di sa tlamelwa.
DIKAROLO TSA I LE J
Tsweetswee netefatsa gore o buisa dikarolo tse ka kelotlhoko pele o saena dikarolo tse mo foromong ya kopo ya gago.
Tsweetswee ela tlhoko: Foromo ya kopo ya gago e ka se tswelediwe ntle le tshaeno ya gago.
DITLHOPHO TSA SENTLHAGA SA GEMS
Fa e le gore o tlhopha go ikwadisetsa Sapphire kgotsa Beryl, o tlhoka go ela tlhoko tse ke ditlhopho tsa sentlhaga. Se se kaya gore wena le batlhokomelwa ba gago le tla tshwanela ke go dirisa fela batlamedi ba tsa kalafi ba ba mo sentlhageng sa GEMS. Ngaka ya lelapa/ngaka ya meno/ngaka ya matlho ya gago e ka tswa e sa kwadisiwa jaaka motlamedi wa sentlhaga. Fa go ntse jalo, o tlhoka go leletsa tikwatikwe ya megala ya GEMS mo go 0860 00 4367 go batlisisa ka ga motlamedi wa tirelo yo o mo kgaolong ya gago.
GEMS e itsalantse le dingaka, dingaka tsa meno, gammogo le batlamedi ba tsa pholo ba ba diketekete go tlamela maloko ka rejisetara ya batlamedi e e matswatswa e e tlisang batlamedi ba kalafi gaufi le maloko. Batlamedi ba, ba dumetse go sa duedise maloko a GEMS ditlhwatlhwa tse di kwa godimo ga tsa kelo ya Sekema, se se kayang gore ga o a tshwanela go duela "Friend of GEMS" fa o mo etetse, go tswa mo kgetseng ya gago.
Go batla "Friend of GEMS" mo kgaolong ya gago, romela fela SMS go 33489 mme o kwale dintlha tse, nomoro ya gago ya botokololo, mofuta wa motlamedi wa kalafi, motsanathoko kgotsa karolo ya ona, gammogo le toropo e o e batlang.
Tirelo e, e maleba mo ditlhophong tsotlhe.
Fa e le gore wena kgotsa mongwe wa batlhokomelwa ba gago le tshela ka HIV/AIDS, go tlabo go le mo kgatlhegelong ya gago go ikwadisa mo lenaneong la botsamaisi jwa HIV/AIDS ya GEMS ka go leletsa Aid for AIDS mo go 0860 100 608. Se ke lenaneo la bosephiri, e bile mothapi kgotsa sekema ga di na phitlhelelo go tshedimosetso ya ga motsaya-karolo.
PHEKOLO YA MALWETSE A A SA FOLENG
Melemo ya malwetse a a sa foleng e reboletswe go alafa maemo a a tsweletseng pele jaaka bolwetse jwa madi a magolo kgotsa jwa khemo (asthma) e bile e nowa ka dinako tsotlhe.
GEMS e tlamela ka dithuso tse di tletseng tsa molemo wa malwetse a a sa foleng go maloko otlhe. Gore o kgone go ka rebolelwa melemo wa malwetse a a sa foleng, o tshwanetse go ikwadisetsa lenaneo la phekolo ya malwetse a a sa foleng, morago fela fa o se na go amogela kitsiso ya gore jaanong o leloko le le kwadisitsweng la GEMS.
Melemo ya malwetse a a sa foleng e akaretsa:
Molemo wa malwetse a a tshosetsang botshelo, jaaka bolwetse jwa sukiri;
Molemo o o dirisetswang maemo a a tsweletseng go alafa malwetse a a sa foleng a a koafatsang mmele, a a amang thata go dira le boleng jwa botshelo, e bile
Melemo ya nako e khutshwane e e tlhwatlha-godimo e e tla thibelang kalafi e e e tlhwatlhwa-godimo jaaka go robala kwa bookelong.
KOPO YA MELEMO YA MALWETSE A A SA FOLENG
Fa e le gore o mo tlhophong ya Sapphire kgotsa Beryl, ngaka ya gago ya sentlhaga sa GEMS, morago ga go netefatsa bolwetse jwa gago, e tla nna le maikarabelo a go kwadisa seemo sa gago mo go GEMS gammogo le go bona thebolelo-tetla ya melemo ya gago ya malwetse a nako e telele.
Morago ga go kwadisiwa mo lenaneong, melemo ya gago e e reboletsweng tetla e tla duelelwa ka botlalo, fa fela o e amogela kwa khemising e e supilweng go ka tsamaisa melemo (Medipost). Ngaka ya gago ya sentlhaga sa GEMS e tla go thusa ka dithulaganyo tse.
Tsweetswee ela tlhoko gore ke fela melemo e e mo lenaneong la melemo ya Sapphire le Beryl e e tla duelelwang.
Fa e le gore o mo go Ruby, Emerald kgotsa Onyx, o tlhoka go dira kopo go bona molemo wa gago wa malwetse a a sa foleng ka go amogela foromo ya kopo ya molemo wa malwetse a a sa foleng go tswa kwa tikwatikweng ya megala ya GEMS kgotsa ka go e gatisa go tswa mo go website ya rona kwa www.gems.gov.za.
Morago ga gore ngaka ya gago e go tlhatlhobe le go tlatsa foromo ya kopo, o tlhoka go romela foromo e ka fekese gammogo le lekwalo la ngaka la thebolo ya melemo e e ka tsewang gape le gape mo go 0866 51 8009 gore di tswelediwe. Kgotsa o ka nna wa di romela ka e-mail mo go chronicDSP@gems.gov.za. Ka gale netefatsa gore kopo ya gago e tladitswe gotlhe le go saeniwa ke wena le ngaka ya gago.
Setlhopha sa sekalafi se tla leba dintlha tsa gago e bile fa go tlhokega se tla ikgolaganya le ngaka ya gago (e ka tswa e le ka mogala kgotsa ka lekwalo) e le go tlhopha melemo e e leng maleba e bile/kgotsa e e seng tlhwatlhwagodimo. O tla romelwa molaetsa wa SMS o tlhalosediwa seemo sa kopo ya gago (rasiti le thebolo ya tetla). Kopo ya gago e tla tsaya bokana ka malatsi a tiro a le supa go tsweletswa.
Tsweetswee gakologelwa tse di latelang fa o dira kopo ya molemo wa malwetse a a sa foleng:
Foromo ya kopo ya molemo o o sa foleng e tshwanetse go tladiwa go leloko lengwe le lengwe la lelapa le le tlhokang molemo wa malwetse a a sa foleng.
Boloka khopi ya foromo e e tladitsweng mo direkotong tsa gago.
Mametlelela diteko tse di tshegetsang/dipatlisiso tse di kgethegileng le makwalo a a tlaleletsang jaaka go kopilwe go tila ditiego mo go tsweletseng kopo ya gago.
Morago ga gore kopo ya gago e amogelwe, o tla amogela lekwalo la thebolelo-tetla le le tlhagisang melemo e e tla duelelwang go tswa mo Thusong ya gago ya Molemo wa malwetse a a sa foleng. Lekwalo gape le tla bontsha gore ke melemo efe e e mo Lenaneng la Melemo (Medicine Price List - MPL) le le amogetsweng, gammogo le melemo e go tlhokegang gore go duelwe dituelo dingwe tsa melemo e e seng mo lenaneng (out-of-formulary copayments).
Melemo e mengwe, e e sa duelelweng sepe, e teng. Tsweetswee buisanela kgonagalo ya go dirisa setlhagisiwa se sengwe le ngaka ya gago ya melemo fa o eletsa go tila tuelo e. Fa e le gore molemo o o reboletsweng tetla o farologane le molemo o o o kopileng, lekwalo la tlhaloso le tla akarediwa mo lekwalong la thebolelo-tetla e bile khopi e tla romelwa go ngaka ya melemo.
Fa e le gore kopo ya gago ga e amogelwe, o tla romelwa lekwalo e bile khopi e tla romelwa go ngaka ya gago ya melemo. Fa e le gore tshedimosetso ya sekalafi go ya pele e a tlhokega, kopo ya gago e tla sekasekwa gape fa fela tshedimosetso e e maleba e se na go amogelwa go tswa kwa ngakeng ya gago. Ngaka ya gago e ka nna ya leletsa 0860 100 608 go bona thuso.
Dikopo tse di ntšhwafaditsweng
Fa e le gore melemo ya gago ya malwetse a a sa foleng e a fetoga ka tsela nngwe, o tshwanetse go itsise GEMS. Tsweetswee romela lekwalo la ngaka la thebolo ya melemo e e ka tsewang gangwe le gape ka fekese go bona melemo e mešwa go tswa go motlamedi wa tirelo ya melemo e e sa foleng yo o supilweng mo go 0866 51 8009.
Go romelwa ga melemo
Modiri wa GEMS wa motlamedi wa tirelo ya melemo e e sa foleng yo o supilweng o tla ikgolaganya le wena mo sebakeng sa diura tse 48, go dira dithulaganyo tsa go romelwa ga melemo ya gago.
Fa o se na go tlatsa foromo ya kopo ya gago, o ka nna wa e romela gore e kwadisiwe ka nngwe ya ditsela tse di latelang:
Ka fekese go 0861 00 4367, kgotsa
Ka go e isa kwa go nngwe ya ditikwatikwe tsa thuso tsa dikgaolo tse di latelang:
KAPA BOTLHABA
KAPA BOKONE
MPUMALANGA
BOKONE BOPHIRIMA
KAPA BOPHIRIMA
Morago ga go tsweletsa foromo ya kopo ya gago, o tla amogela SMS go netefatsa gore kopo ya gago e gorogile. O tla itsisiwe fa e le gore go na le ditokomane tsa tlaleletso dife kana dife tse di tlhokegang go tlamelwa go kgona go feleletsa kwadiso ya kopo ya gago.
Morago ga go fetsa ka ga kwadiso ya foromo ya kopo ya gago, pakana ya leloko e e akaretsang dikarata tsa botokololo jwa gago gammogo le kaelo ya leloko e e tletseng, di tla romelwa ka poso go aterese ya gago ya poso.
